
Ngwaga e ne e ka nna tsa bo 1989 go ya ko go 1992. Gangwe le gape, ke ne ke tle ke e go pata Nkuku, ebong mmaagwe mme – ko Goora Mokhai. Ke ne ke na le ntsalake wa monkane, Nkemi. Ngwana wa ga ntatemogolo, ebong mogolowe mme; bangwe ba bana ba ga Nkuku.
Ke gakologelwa fela thata gore: e ne e re re tloga re robala, morago fela fa Nkemi a se na go nthuta metshameko ka go farologana, metshameko e e monate e tshwana le bo, “sera difuthatuthata, metlha e etla!” kana morago ga Nkunku a se na go re tlhabela mainane a a monate, ebile a boifisa a boitshega, ee one a ”ga te e rile”. Nkuku o ne a reetse thulaganyo ya ditatolo le tse dingwe, mme fela e re mmmega dikgang a fetsa a bo a wetsa ka gore: ”boroko morreetsi”.
Go dumalaneng, Nkuku o ne a goa ka gore: ’’boroko rra.’’ Ka le le latelang, nna le Nkemi e ne e re re mo gopotse, re tshege re bo re lelale!
Le jaana, fa ke bua le Nkuku, bogolo jang mo mogaleng, o wetsa ka gore: ’’boroko rra’’.
