Okae?!

O ne a le theka losesane, a le thupa tsa maretlwa. A buela godimo; e le sehatlha, ebile a tumile fela thata ka go ruthakaka bomonnawe, balekane ba gagwe, le bone bo mogolowe – a sa tswa go ba tlhapatsa.

O gorogile mo sekolong potlana sa Mafhikana ka ngwaga wa 1991, ke bala lokwalo lwa bone, lo le ene a neng a lo bala. Ke mo gakologelwa fela thata, bogolo jang ka ke ene – ka sebele – a re rutileng, a sa tswa go re rutha, go betla le go letsa koronjane, ee, ka tsebe tsa buka.

Gangwe le gape, ke mo gopola fela thata, ebile ke utlwa ke mo tlhoafalela: mosimane Modise, lekawana Modise, sethakga Modise. Tsala ya me Modise.

Okae Modise?!

Unknown's avatar

Author:

Botswana Born and Raised. Alive. Lively. Living. Life.

Leave a comment