Ke ne ke bua le mme maabane bosigo, ke ne ke mo tlhotlhomisa ka setsuatsue sa kgwanyape. Ga ke gakologelwe sentle, mme fela, ke gakologelwa kago ya lebentlele e phutlhame, e gasagasane, e ole. Ga a bolela, lebentlele le ne le tserwe ke sefefo, setsuatsua, kgwanyape, fa e feta ka motse wa Kanye. Le fa go ne go le motshegare, gatwe go ne ga nna phifalo e e kwenneng thata, lefifi la ntshwarela ngwana. Mme moragonyana, kgwanyape e fetile, ga nna lesedi. Ngwaga e ne e ka nna tsa bo 1988, gongwe 1989.
E ne e sa tsaya lebentlele la gagwe fela, bangwe e ne e ba tseetse matlo, diruiwa, maiso le tsone dijalo. Fa ba bangwe, ka go tlhoka lesego, ba ne ba latolwa.
©
#duncansenyatso
#kgwanyapeband
#kgwanyape
#botswana

