Maaka a matala! 

Ke tla a bo ke bua maaka a matala! 

Fa ke ka go bolelela gore: ke kwala ka Setswana ka go bo ke se rata; ke se rutilwe ke dinatla tsa Bo-Mme – ko sekoleng.  Ee, le ntswa ke se rathile ka maemo a bobedi, ke se rata, ebile ke se amule, nnete e e senang bana ba phefo  yone e teng. 

 Ke tla a bo ke bua maaka a matala, Fa ke ka se ke, ke umake: Mmantswitswidi Thapelo Otlogetswe; Mmoki wa popota, Moroka Moreri; Makgonatsotlhe, Mogaka wa dihikantswe, Masilonyana Radinoga. 

 Ke tlaa bo ke bua maaka a matala, fa ke sa umake Kgosi ya Motswako, Tebogo ’’Nomadic’’ Mapine. Bangwe ba  bathusi ba  gagwe: Kelebogile ’’HT Tautona’’ Mabua; le ene moshianyana wa bashianyana, Lekgotla ’’BigL WaSekai’’ Radikara. 

 Ke tlaa bo ke bua maaka a matala, fa ke sa umake ditswerere bo Olebile ’’Maxy’’ Sedumedi; Ditiro Leero; Puna Gabasiane; Tomeletso Sereetsi; Magdaline ’’Charma Gal’’ Lesolebe; Boipelo Seleke, ka lentswe le le ’’robang mokaloba ditokololo’’, a nkopa go mpona tengnyanateng; Shumba Ratshega; Clement Jackson; Ntirelang Berman, a lora Motlalepula; Kootshepile ’’Berry Heart’’ Motseonageng; gammogo le Banjo Mosele, a lela sa ga Sannanapo! Ke tlaa bo ke bua maaka a matala fa ke sa umake motlhami le moopedi wa ga “Bagammangwato ba ga Mabiletse”, ee, ene George Swabi. 

 Ke tlaa bo ke bua maaka a matala, fa ke sa go bolelele ba ba nang le leitho le le nchocho: Thalefang Charles; Kabelo Mmono; le bone bataki ba maemo a ntla, Wilson Ngoni le Jade Moyuthu. Ee, tsone dinepe le ditshwantsho tsa bone di nkgobirile maikutlo. 

  Ke tlaa bo ke bua maaka a matala, fa ke sa go bolelele ka ba Seromamowa: Justice Gaolekwe, Lesego wa ga Kgajwana le ene ’’Wa Ponto Le Sheleng’’ Rre Direlang – a letsa a bo a letsa.

 Mogaetsho, Ke tlaa bo ke tlhola botlhodi jwa nta ya tlhogo, fa ke sa umake ba ba ithobaletseng: Ratsie Setlhako; Duncan Senyatso; Malefo ’’Stampore’’ Mokha; Speech Madimabe; Rraagwe Diparaparang, ene Philip “Mokgankgara’’ Moshotle; le monnga “Sheleng” Omponye Ositilwe; gammogo le Mme Gaotwesepe Robalang, a ipoletsa fela gore “go ka tweng?”

 Ngwana  etsho, ke tla a bo ke bua maaka  a matala fa ke sa tlole molelwane wa Ramatlabama. Fa ke sa umake ena Ntate Vusi Matlhasela, Judith Sephuma,  Selaelo Selota le ena Hip-Hop Pantsula a thoma a re botjisha fela gore: ’’A la mmona Mogatsa Kgosi ka Mabela?’’ Bofelong, empa ke ise ke lape, gotlhe ka Setswana le ka Sesotho, ke tlole thaba tsa Lesotho, Ke umake Bhudaza wa Bo-Mapefane ka sebele!

 Tota, le fa ke sa ba etele gantsi, mme fela go matshwanedi go umaka bone ba ke kopang mo go bone, bangwe ba bone ke bo: M.R. Molomo; L.D. Raditladi; T.J. Pheto; le ene morwa Motsatsing, M.L.A. Kgasa. 

 Ee, bone Bagaka ba, ba nkgakolotse – ka bosilo – ebile ba sa kgale mathe, ka go ipela le go galaletse puo e ya ga etsho! Go sena ope yo ke mo kopang, ebile ke batla kgalaletso ya gagwe, fa e se nna fela. Ee.

 
 

Unknown's avatar

Author:

Botswana Born and Raised. Alive. Lively. Living. Life.

Leave a comment