Maloba jale, ko sekoleng potlana sa Mafhikana. E ne e re fa o tlodile molao, ka mokgwa o o sa tlwaelesegang, e bile o hakgamaditse barutabana, go ne go se na ka tselana epe gape, fa e se ditilo tse pedi, fela. Ditilo tse, tsa tshipi, e ne e re di bewa ko pele ga asembuli, mo mosong, moragonyana fela fa “Jeeeee-ruuu-saaaa-lem” a sena go opelwa ka lorato le ka manontlhotlho, di iphetole bolao.
Ka bomadimabe, ke ne ke le mongwe wa batsaakarolo, ka lobaka-nyana. E le ruri, ngwana o godisiwa ke motse.
