“Mpompelaaa
Mpopela terekere
Ke rekile terekere
Ke shota ka dipompo!”
O tla a bo a goeletsa, a sa tswa go goeletsa. Lekawana Shado. Ntsalake Shado. Monyenyo wa gagwe o ne o ka kgoba le yone tau marapo. Mogolokwane e le ´mbuuu’ wa dikgomo.
Dinamane le bone botsadi di ne di setse di gorogile. Pitsa ya setampa e setse e kabuka. Morogo wa khabeche le ditapole re o kgabetletse. Nama ya matlolwane le yone e tloga e gadikega. Yone e e neng e tswa go tsongwa ke abuti Delva, modisa wa bo Shado. O ne a tsamaile le bangwe ba badisa ba ditsala tsa gagwe, ba mabapi. Ba ne ba ya letsomong gare ga bosigo, lefifi e le la ntshwarela ngwana. Ke ne ka ba utlwa ba rera mosepele mo lefifing. Ba ne ba bua ka fa lesedi la ditoche e leng lone tlhobolo ka teng. Mme fela, nama eo e ne e le monate tota. Ke ne ka e tshwantshanya le ya koko, bogolo jang ya sehuba, ee, sone se sesweu.
E ne e le tlwaelo, fa e se mokgwa, gore e ne e re letsatsi le tloga le tikela, fa pele ga lesaka, re bo re opela dikhwaere. Re le basimane re ka tshwara botlhano. Re eteletswe pele ke Shado ka sebele! A goa ka lentswe la kodu. A rathe setlhako go bo go sale go thuntse lerole. Ngwaga e ne e ka nna ya 1992. Re ne re le kwa Morwatubana. Re ne re le ko ga mothakga. Moopelo o ne wa emisiwa fela ke go utlwa pitsa ya matlolwane e gadikega.

I like. Re moraka ko Morwatubana. Ntlheng ya bophirima ‘tsatsi ya motse gatwe Mmathethe. Mme o tsalwa koo!
LikeLiked by 1 person
Wow! You made my day😊 Maybe we ‘met’ there somehow. Ke etetse teng ke santse ke le bo 10. I have very good memories from there. Mmangwane o na le moraka teng. Gaetsho ke go bapa le Mmathethe, Kanye. Ke itumelela go go itse fela thata.
LikeLiked by 1 person
I doubt if we ever did though. It’s only recently when we moved our cattle post to Morwatubana. Gape ke ya ka go rotha, ga se ga ntsi!
LikeLiked by 1 person
Ohh I see. Nna e sa le ke ya teng ka bo 92. Unfortunately my only moraka experience…😢 But I plan to visit again soon.
LikeLiked by 2 people
Wow, that’s a long time ago. too long ago. I was 2 then. But I hope you do visit soon hey.
LikeLiked by 1 person
Nnana😜 I was 11!
LikeLiked by 2 people
ijo hare nne kere ke comment ha and I commented on a previous post.
LikeLiked by 2 people