O ne a le motshwana; dipounama di boitshega, a rata go di latswa a sa tswa go di latswa. A tshabile monyo, go sena ope yoo ka tsenelelang kgaisano ya boleele le ene; fa e se Morutintshi Phiri fela. Hempe e kopolotswe sehubeng. E nna fela e re sweuuuu! Borokgwe, bo tsewa ke phefo; bo phakasela. Motshetshe wa jone o ne o kile wa sega selae sa borotho; bo supa dikausu tse di ne-ng di gaisana le hempe: ka mmala. Ditlhako, di nkgakile. Mme fela, di tsabakela, le mo loroleng tota! Di-ne di tshwana thwaa le tsa ga malome Two Colour; bogolo jang, a le magorogo masha go tswa Gouteng. O ne a gata abo a gatoga. Ka botswerere, mmele o dumela. Ba ba neng ba tle ba tlhodimele dibaesekopo; ba ne ba bokolotsa tantshe ya gagwe. Fa go buiwa, o ne a sa bine: a di tshela. Fa a ne a tswa bogwera; le nna ke ne ke ka bo tsamaya, gone foo.
Mokwalo wa gagwe, ga ke ise ke o bone gope gape. Fa e se fela moragonyana fa ke tsaa Omang. A tshwaraganya; go kgatlhisa matlho. Bangwe, bare barutintshi ba ne ba mo tsholela matshwao: e le one mokwalo. Dikwalo, o ne a ditshwara ka seatla, sone se se jang; kgetsi e ne e ka mo sosobaganya kapari. E ne e le seithati. Lekau. Mme, a sa tshwane le kgarebe, ene, a sa ratwe go lejwa.
Ka Laboraro; e re e gana go tsamaa nako. Moragonyana ga raese le koko; go sena yoo o lofileng. O ne o ka e utlwa e lela mpeng tsa rona, koko eo. Nako e totobela oura ya boraro e fetilwe ke metsotso e le masome a mararo: ka tshokolo. Re le mo LEBUNG. Letsatsi le re tagile. Re goga ka thata! Ba rotlhe! Tshetsana le tshimane. Seithati? Le sone.
“Bless! Bless! Wat is die tyd” A mpotse kgapetsa -kgapetsa! Mme tota; gantsi o ne sa bue, o ne a rotola matlho fela: a le makima! Le fa nne ke sa leba ntlheng ya gagwe; e ne ere a a rotola, ke a utlwe. A re la-tswii dipounama, a bo a supa fa e robalang teng tshupa- nako. Re ne re na le tumalano ee nonohileng! Ba ne ba-re ke le kgaola sebene. Ke a ba tlatsa; ebile, le ko kgosing, ke ka supa.
Morapedi Benz Dikole.
Sejanaga sa Majeremane: ina lebe.
