Metse mabapi, kgaolo potlana

Metse mabapi, kgaolo potlana, masimo, le yone meraka e ke godileng ke e utlwalela: Ga Ra Monnedi; Mokatako; Sesung; Ga Mmapekanyane; GaSita; Mosamowakwena; Dipotsana; Ntlhantlhe; Ga Moswaana; Taupona; Lekgolobotlo; Ga Segwaga; Digawana; le e mengwe e boitshega.

Gangwe le gape, ko sekoleng, kwa lwapeng, fa ke etetse bangwe ba masika, kana ha bangwe ba masika ba etetse ko lwapeng, le bone bafiti le tsela tota, ka ko seherwaneng. Ba ne ba umaka mafelo one a! Ke dumela fela thata fa batsadi bame, bo mmemogolo, bo malome, le bone bo mmangwane ba itse e ibile ba kile ba nna mo go mangwe a mafelo one a.

Ka jalo, ke maitlamo, le maikemisetso ame gore le nna, ke etele mafelo a. Ke a itse, ke seka ka a utlwalela fela, mo bonaneng, mo boguding, le lole lebitleng tota!

 

 

Unknown's avatar

Author:

Botswana Born and Raised. Alive. Lively. Living. Life.

5 thoughts on “Metse mabapi, kgaolo potlana

Leave a comment