Metse mabapi, kgaolo potlana, masimo, le yone meraka e ke godileng ke e utlwalela: Ga Ra Monnedi; Mokatako; Sesung; Ga Mmapekanyane; GaSita; Mosamowakwena; Dipotsana; Ntlhantlhe; Ga Moswaana; Taupona; Lekgolobotlo; Ga Segwaga; Digawana; le e mengwe e boitshega.
Gangwe le gape, ko sekoleng, kwa lwapeng, fa ke etetse bangwe ba masika, kana ha bangwe ba masika ba etetse ko lwapeng, le bone bafiti le tsela tota, ka ko seherwaneng. Ba ne ba umaka mafelo one a! Ke dumela fela thata fa batsadi bame, bo mmemogolo, bo malome, le bone bo mmangwane ba itse e ibile ba kile ba nna mo go mangwe a mafelo one a.
Ka jalo, ke maitlamo, le maikemisetso ame gore le nna, ke etele mafelo a. Ke a itse, ke seka ka a utlwalela fela, mo bonaneng, mo boguding, le lole lebitleng tota!

I don’t know if yours are poetry or just short stories. But I love them. Setswana teme ya gaeno ke itumelela go bona e tlhagelela mo maharatlhatlheng jaana.
LikeLiked by 1 person
Ke a Leboga.
LikeLiked by 1 person
Hare nna ke lemogile gore o motho le kopelo @Kgosietsile, ke emetse di audio hela haha! segolobogolo dikhwaere
LikeLiked by 2 people
Haha! O lemogile straight! Ke record soon😊
LikeLiked by 1 person
Batho ba kgaolo ya ga Ngwaketsi ke batho le dikhwaere…hahah
LikeLiked by 2 people