Morwatubana

“Mpompelaaa

Mpopela terekere

Ke rekile terekere

Ke shota ka dipompo!”

O tla a bo a goeletsa, a sa tswa go goeletsa. Lekawana Shado. Ntsalake Shado. Monyenyo wa gagwe o ne o ka kgoba le yone tau marapo. Mogolokwane e le ´mbuuu’ wa dikgomo.
Dinamane le bone botsadi di ne di setse di gorogile. Pitsa ya setampa e setse e kabuka. Morogo wa khabeche le ditapole re o kgabetletse. Nama ya matlolwane le yone e tloga e gadikega. Yone e e neng e tswa go tsongwa ke abuti Delva, modisa wa bo Shado. O ne a tsamaile le bangwe ba badisa ba ditsala tsa gagwe, ba mabapi. Ba ne ba ya letsomong gare ga bosigo, lefifi e le la ntshwarela ngwana. Ke ne ka ba utlwa ba rera mosepele mo lefifing. Ba ne ba bua ka fa lesedi la ditoche e leng lone tlhobolo ka teng. Mme fela, nama eo e ne e le monate tota. Ke ne ka e tshwantshanya le ya koko, bogolo jang ya sehuba, ee, sone se sesweu.

E ne e le tlwaelo, fa e se mokgwa, gore e ne e re letsatsi le tloga le tikela, fa pele ga lesaka, re bo re opela dikhwaere. Re le basimane re ka tshwara botlhano. Re eteletswe pele ke Shado ka sebele! A goa ka lentswe la kodu. A rathe setlhako go bo go sale go thuntse lerole. Ngwaga e ne e ka nna ya 1992. Re ne re le kwa Morwatubana. Re ne re le ko ga mothakga. Moopelo o ne wa emisiwa fela ke go utlwa pitsa ya matlolwane e gadikega.

Unknown's avatar

Author:

Botswana Born and Raised. Alive. Lively. Living. Life.

7 thoughts on “Morwatubana

    1. Wow! You made my day😊 Maybe we ‘met’ there somehow. Ke etetse teng ke santse ke le bo 10. I have very good memories from there. Mmangwane o na le moraka teng. Gaetsho ke go bapa le Mmathethe, Kanye. Ke itumelela go go itse fela thata.

      Liked by 1 person

Leave a comment